|
Lenaane la maano a temothuo ya Aforika Borwa ke ditlamorago tsa tirisano magareng ga Puso, Agri SA le NAFU. E rile go sale gale mo ngwageng wa 2001, Poresidente Thabo Mbeki, a kopa ditheo tse di farologaneng tse di nang le kgatlhego go supa maano a a tshwaraganetsweng mmogo gore a tsepamise dikakanyo tsa go tshwaraganya lekala le. Go tswa mo kopong e, go ne ga runya lenaane la maano a lekala. Ponelopele ya lekala e tlhalosa gore ditheo tsotlhe tse di nang le kgatlhego di nne le seabe sa dipoelo tsa maungo a a tswelelang mo ikonoming ya temothuo ya Aforika Borwa. E gatelela ditlhokego tsa go tshegetsa le go oketsa go ntsha dikuno tse go tla gwebisanwang ka tsona, go tlhoma kgaisano magareng ga mafatshe a lefatshe ka bophara tota le go elatlhoko merero ya ditiragalo tsa histori e e tshokameng le e e lomeletsang e e tlhodileng mekgwa ya go se fitlhelele le go emelwa ka go lekalekana. Se se tlhalosa mo pepeneneng setshwantsho sa kwa temothuo ya Aforika Borwa e batlang go leba kwa teng mo isagweng ya nako e telele. Lenaane la maano le arogantswe ka makala a a botlhokwa a mararo:
Dintlha dingwe tsa maano a a botlhokwa di emana nokeng mme e bile di tla tshwaela mo go tlhomeng le go tshegetsa boikanyego mo temothuong. Fa re tshotse se mo tlhaloganyong, setlhopha se se logang maano a, se supile palo ya maano a a tshegetsanang le go kgontsha se: • Puso e e lolameng • Tlhabololo e e tshwaraganetsweng le e e tshegediwang ya dikgaolo tsa kwa magaeng • Kitso le go itshimololela dilo • Tirisano ya mafatshe a boditšhabatšhaba • Pabalesego le tshireletso Maikaelelo a maano a a tshegetsanang a, a na le motheo o o botlhokwa o kwa ntle ga ona maikaelelo a maano a, a ka se fitlhelelweng. A gatelela gape le go ikaega mmogo ga lekala ka go engwa nokeng le setlhopha sa mafapha a mangwe le madirelo. Setlhopha sa seoposengwe se se ithaopileng ka maikarabelo a go diragatsa maano a, se tla golola le go gatisa maano a a tletseng a go a diragatsa. Mo maikemisetsong a, setlhopha sa seoposengwe se se eteletseng pele se tla tlhoma komiti e e tshwaraganetsweng ya dikgato tse di tshwanetseng go tsewa. Gape se tsaya le matsapa a go akaretsa le mekgatlho e e rulagantsweng ya badiri, mekgatlho e e seng ya puso, ya di-NGO, mekgatlho ya baagi mmogo le mekgatlho ya mafatshe a boditšhabatšhaba. Kgato ya ntlha ya go simolola ka go diragatsa maano a a botlhokwa ke ditlhopha tse di seoposengwe e nnile go supa manaane a a botlhokwa tota le dikgato tse di tla tsewang: • Go diragatsa motheo wa maano ka bophara a pabalesego le tshireletso a go dirisana ka mowa o o edileng le go tsepama ga setšhaba, go ikanyana le boikanyego • Go gatelela ponelopele e e diragadiwang mmogo mo temothuong, puso e e lolameng mmogo le go dirisana le setšhaba • Go diragatsa ka bonako manaane a go aroganya mafatshe a go tlhabolola temothuo le mokgwa wa go abela ditlhopha tse di ikaeletsweng dithata • Go fetolela dipatlisiso tsa temothuo, go fetisetsa bokgoni jwa thekenoloji, merero ya thuto le ditiro tsa balemisi go tsamaelana le ditlhokego tsa mebaraka • Go tlhalosa ka boshwa ditaelo tsa mebaraka ya temothuo le kgwebisano ya boditšhabatšhaba ya pele ga taolo ya nako ya diboto tsa maloba tse di neng di le kgatlhanong le kgaisano e e atolositsweng ya mafatshe a boditšhabatšhaba le ditlhokego tsa go fitlhelela mebaraka, mafaratlhatlha le tshedimosetso • Go tlhoma manaane a dipalopalo tse di ikanyegang tsa temothuo le mekgwa ya go sekaseka merero ya ikonomi go balemirui botlhe le mekgatlho ya dikgwebo • Go tlhoma manaane a ditirelo tse di tshwaragantsweng tsa merero ya ditshelete e e tlhamilweng mo Pegong ya Komisi ya ga Strauss • Go tlhama manaane a go tlhokomela le go laola dikotsi tse di ka tlhagelelang mo matshelong a dijalo le a diphologolo, ditlhwatlhwa le manaane a letseno mmogo le matlhotlhapelo a dikotsi tsa tlhago • Go lebilwe bogolo segolo mekgwa ya dipeeletso tsa kwa dikgaolong tsa magae, mafaratlhatlha, manaane a go nosetsa, kabo ya motlakase, mafaratlhatlha a ditlhaeletsano, dipalangwa, merero ya katiso le mekgwa ya go tlhabolola bokgoni jwa setšhaba • Go tlhoma tirisano mo manaaneng a temothuo ya Aforika go tsweletsa Moono wa Ditiro tsa Aforika o o bidiwang "New Africa Initiative" mo temothuong • Go fokoletsa kwa tlase ditshenyegelo tsa go ntsha dikuno ka kakaretso, go akarediwa le go tsweleletsa kwa pele go fokotsa makgetho le dituelelo tse dingwe tsa makgetho mo leokwaneng la disele le merero ya seabe sa tse dingwe. Mo go tsotlhe tse, ba amogela seabe se se botlhokwa mo lekaleng la poraevete la go fitlhelela maikaelelo a go nna le seabe, mekgwa ya go gaisana le go di tsweletsa pele. Ka jalo go tla dirwa tsotlhe tse di kgonagalang go netefatsa tirisano le go golagana magareng ga puso le malaka a poraevete - se se tlhalosang gore balemirui, mekgatlho ya balemirui le dikgwebo tsa temothuo • ka maikaelelo a go atlega mo ponelopeleng e ntshwa ya go tshwaragana le lekala la temothuo le le tsweletseng pele. Dipoelo tse di latelang di solofetswe mo go atlegeng ga go diragatsa maikaelelo a maano a a botlhokwa a:
Setlhopha sa seoposengwe se ititeile sehuba gore se tla aba nako e e tlhokegang le merero ya ditshelete mmogo le metswedi ya didirisiwa go netefatsa go tswelela ga go diragadiwa ga lenaane la maano a a botlhokwa a. Kgatiso e ya Maano a a Botlhokwa a Temothuo ya Aforika Borwa e abiwa ke: Resource Centre, Department of Agriculture Nomoro ya
Mogala ke: Mme e bile e ka fitlhelwa gape le mo mafaratlhatlheng a website ya: www.nda.agric.za
2002 Printed and
published by the Department of Agriculture
|